Matthew 17

Jesu mo kgalalelong

1Mme erile morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane monnawe go tlhatlogela kwa setlhoweng sa thaba e e godileng e e kwa thoko.

2Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.

3Ka tshoganetso ga bonala Moshe le Elija ba bua nae.

4Petere a bua ka tshoganetso a re, “Morena, go molemo gore re be re le fano. Fa o rata, ke tlaa aga metlaagana e le meraro o mongwe e le wa gago, o mongwe e nne wa ga Moshe, o mongwe e nne wa ga Elija.”

5Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”

6Mo tiragalong e, barutwa ba wela fa fatshe ka difatlhogo ba tsenywe ke letshogo le legolo. 7Jesu a tla kwa go bone a ba ama a ba raya a re, “Tsogang, se boifeng.”

8Mme ya re ba leba, ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.

9Mme ya re ba fologa thaba, a ba laya gore ba se ka ba itsise ope se ba se boneng go fitlhelela a tsoga mo baswing.

10Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Ke eng fa baeteledipele ba Sejuda ba gatelela gore Elija o tshwanetse go boa pele ga Mesia a tla?”

11Jesu a fetola a re, “Ba bua sentle. Elija o tshwanetse go tla go baya sengwe le sengwe ka fa thulaganyong. 12Mme legale o setse a tsile, mme ga a a ka a lemogwa, o na a sotlwa ke batho thata. Mme le Nna Morwa Motho ke tlaa sotlega mo diatleng tsa bone.”

13Hong barutwa ba lemoga fa a bua kaga Johane wa Mokolobetsi.

14Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re, 15“Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing. 16Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.”

17Jesu a fetola a re, “Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna.” 18Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.

19Moragonyana barutwa ba botsa Jesu mo sephiring ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle?”

20Mme Jesu a ba raya a re, “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne fa lo no lo na le tumelo le fa e le e nnyennyane jaaka peo e tshesane ya mosetara lo no lo ka raya thaba e lwa re ‘Suta!’ mme e ne e tlaa sutela kgakala. Ga go na se se neng se ka retela. 21Mme mofuta o wa mowa o o maswe ga o ka ke wa tsamaya fa e se fela lo rapetse lo ikiditse dijo.”

22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 17:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 17:22-23.
Letsatsi lengwe fa ba sale mo Galalea Jesu a ba raya a re, “Ke ya go okelwa mo nonofong ya ba ba tlaa mpolayang, mme e tla re ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga mo baswing.” Mme dipelo tsa barutwa tsa tlala khutsafalo le poifo.

Jesu o duela lekgetho

24Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, “A mong wa lona ga a duele lekgetho?”

25Petere a araba a re, “Ee, o a le duela.” Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, “O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?”

26
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 17:27.
27
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 17:26-27.
Mme Petere a fetola a re, “Mo go batswakwa.” Jalo he, Jesu a re, “Go siame.” “Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!”
Copyright information for TsnLEF